Morupule Wanderers e nyoretswe diphenyo

PALAPYE: Moanamisa Mafoko wa setlhopha sa Morupule Wanderers se se magorogo masha mo liking ya Debswana, rre Kesetseekae Molefhe o rotloeditse barati le barotloetsi ba setlhopha sa gagwe go se fele pelo ka tshameko ya sone.

Wanderers e e neng e kuelwa thata ebile go solofetswe maduo a mantle mo go yone, ga e ya simolola liki sentle ka jaana e latlhegetswe mo metshamekong ya yone makgetho ale mabedi. Wa ntlha ene ele kgatlhanong le Chobe United le wa BR Highlanders. Ka mafelo a beke are a latelang, Wanderers e ya go mekamekana le FC Satmos kwa Selibe-Phikwe, setlhopha se le sone se simolotseng go itharabologelwa.

Molefhe o tsweletse a tlholosa fa setlhopha sa gaabo se tshameka sentle mathata fela ele go tlhoka lesego la go nosa. Le fa gontse jalo, o ne a supa fa setlhopha sa bone se le magoromasha mo liking eo ka jalo gore se bo se dirile ditso ele gone go dirang gore batho banne le ditsholofelo tse dintsi mo go sone.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up