Monate ga o fele

No Image

E ke buka e e kwadilweng ke Rre Tumo Kenosi, lekawane le le tsholetsweng kwa Maun. O simolotse go e kwala ka 2003 mme o ntse a ipaakanya diphoso go fitlhelela a e gatisa ka 2015.

O kgwetlhilwe go e kwala ke ka fa banana ba tshelang ka teng gompieno. Kenosi o lemogile gore banana ba tlogela sekole ba re ba ja monate, mme ba felela ba tsenya matshelo a bone mo diphatseng ka ba felela ba tsenwa ke malwetsi le go dirisa dinotagi botlhaswa. O rotloetsa banana gore ba ipabalele ka ke bone baeteledipele ba kamoso.

Buka e, ke motshameko o o buang ka banana ba ba tsenang sekolo mme ba eletsa go tshela botshelo jo bo kwa godimo jwa tsala ya bone ee tlogetseng sekole mme e tshelela mo manobonobong. Gona le basimane ba ditsala ebong Mathata, Sesinyi le Kepadile ba ba felelang ba inaakanya le bogodu mme phelelong ba tsena mo mathateng babo ba felela ba ya kgolegelong. Fa basetsana ba ditsala tsa basimane ba ebong Kedibonye, Maitseo le Tshameko ba felela ba itebala. Fa o mongwe wa tsala ya bone ebong Botlhale a tswelela a tsena sekole a bo a se fetsa. O feletse a hirwa a bo a atlega, kgabagare a dira tiro ya maemo aa kwa godimo. Molaetsa wa buka e ke gore monate ga o fele, go fela motho. Banana ba tshwanetse go itlhokomela ba fetse sekole ka thuto e tla pele. Mokwadi o gakolola ka gore ka go dira jalo ba itirela monate wa nnete eseng wa nakwana oo felang. Mmadi o ka anywa kgakololo ya gore maitseo namane ya moroba. Banana ba tshwanetse go tlotla bagolo le di kgakololo tse ba di fiwang gore ba tswelele mo botshelong.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up