Metshameko ya diolimpiki

Ga re tlhoke go bolelela Batswana ka maduo a metshameko ya diolimpiki ee sa tswang go wela kwa Rio, Brazil. Re fentswe ebile ga gona dietsele dipe tse re di gapileng jaaka re ne re solofetse mo bataboging ba ba neng ba ile go re emela koo.

A re amogeleng maemo a ka gore re bonye ka matlho jaaka baemedi ba Botswana kwa metshamekong eo ba ntsha gatshwene go phadisanya le ba bangwe. Ga baa tsiediwa ebile ba ne ba sa itepeletse.  Ba itikile mo go neng go bonwa ke mmogedi mongwe le mongwe. A re lebogeleng baemedi ba ba rona go Botswana baya mo mmepeng wa lebopo ka gobo ba kgonne go tsena mo dikgaisanyong tseo tsa diolimpiki. Go ne gosa tsene mongwe le mongwe.

E ne ele fela ba seemo se se kwa godimo mo mabelong le metshamekong ee farologaneng ya diolimpiki. Ba supile bokgoni ja bone le fa dietsele di seyo. Bangwe ba bile ba bolelwa ele batabogi ba ba gaisitseng ba banana ba dingwaga tse di kwa tlase ga 20 mo lebopong lotlhe. Se se supa gore Botswana o dira dilo sentle mo ikatisong. Jaanong ka re bonye fa re feletseng teng a re itsetleleng adimo re simolole go ipaakanyetsa diolimpiki tsa 2020 nako e sale eno ka go baakanya fa re tlhaetseng teng, re bo re katiseng batabogi le batshameki ba basha ba ba tlaa re emelang kwa dikgaisanyong tse di tlang ba oketsegile ka palo.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up