Maun o mo lenyoreng

Monni wa Maun o golela metsi mo nokeng ya Thamalakane. SENEPE: KEAGISITSWE DIOKA
Monni wa Maun o golela metsi mo nokeng ya Thamalakane. SENEPE: KEAGISITSWE DIOKA

MAUN: Go maswe kwa Maun, mpuru o faretswe, motsetse le ene o jaka letsogo, ka seemo sa letlhoko la metsi le tsebetsebe e e pateletsang banni bangwe go dupelela megobe ee fa gare ga motse go ka bona thothinynana.

Banni ba motse ba tlhaloseditse Naledi mo potsolotsong bosheng fa seemo se se sa ba jese diwelang. Ba re e sale ngongola ba bo ba wela ke seru sa letlhoko la metsi mme matshelo a bone a simolola reketla.  Ba boletse fa ngogola seemo se ne sele botoka ka metsi a ne a kgona go kgala sebaka se se sa feteng dibeke tse pedi.  E ne ya re beke ee fitileng, koporase ya metsi (WUC), ya tlhalosa fa go nale kgoreletsego ya kanamiso ya metsi. Mo kitsisong eo, WUC e tlhalositse fa e nale kgwetlho ya go siela sechaba metsi ka ntlha ya go fokotsega ga metsi mo nokeng ya Thamalakane. Pego eo e tlhalositse gape fa seemo sa go kgala ga noka ya Thamalakane se bakilwe go tswalwa ga mafaratlhatlha aa tlhatswang metsi kwa kgotleng ya Borolong. Banni bane ba gakololwa go dirisa metsi ka kelotlhoko.  E re go ntse jalo, banni ba tlhalositse fa ba gakgamaditswe ke pego eo ya koporase ya metsi. Ba re se se ngomolang pelo ke gore ga gona le fa ele yone thothi e baka kolobetsang dikgokgotso ka yone.  Mongwe wa baagi ba Kgotla ya Boseja, Mmoloki Kebarona o tlhalositse fa a thusitswe ke marothodi a dipula tsa bosheng mme a kgonne go gelela mo megobeng e e gautshwane le ene. A re jaanong botshelo ke jone fela jwa metsi a mogobe ka a kgona go gelela a bo a tlhatswa diaparo tsa gagwe ka one.  Kebarona a re metsi a mogobe a kgonwa ke go kubugelwa makuku a naka tsa kgomo, pele ga leruo le lone le inamola one.  “Re nna re reeditse maru le go dupelela bokgola gore gongwe pula e ka tla gape mya tlatsa megobe,” Kebarona a rialo.

Odireleng Thaba wa kgotla ya Tonki, a re seemo sa metsi monogwaga se bifela pele. A re dingwaganyana tsa maloba ba ne ba tlhoka metsi mme ba thusiwa ka go tshelelwa metsi mo ditankeng tsa sechaba.  O boletse fa malatsi ano go tshela fela badikoloi le banalemadi ka bangwe ba ithekela metsi mo dikoloing tsa metsi, fa ba dikoloi ba a latela kgakala kwa a ka bong a utlwaletswe teng. A re seemo se se tsentse letlhoo gareng ga batho ka ba thusane.  Kwa dikoleng le gone dithuto tsa bana di amegile fela thata ka bangwe ba tsamaya ba sa fitlhola, fa ba bangwe ba sa tsene sekolo sentle ntateng ya lone letlhoko la metsi.  Bosheng kwa sekolong se se botlana sa Andrew Wellio kwa Boseja, kwa seemo se leng maswe teng, mo bokopanong jwa tshoganetso jwa barutabana le batsadi, ga dumalanwa gore ngwana mongwe le mongwe a tsamaye ka lebotele la metsi go nwa motshegare kwa sekolong.  Khansele le yone e ne ya tswa thuso ka matlwana a boitiketso aa hirisiwang, ka bana ba ne ba dirisa sekgwa mme seo se baya matshelo a bone mo diphatseng.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up