Matshelo a babereki le setshaba a mo kotsing

Dikgang tsa go tswalwa ga meepo ya Bamangwato Concessions Limited (BCL) le Tati Nickel Mining Company (TNMC) di utlwisa botlhoko fela thata ka matshelo a babereki le bamalwapa a bone a tsile go amega.

 Itsholelo ya dikgaolo tse meepo e e leng mo go tsone e tsile go gobala fela thata. Itsholelo ya Botswana ka bophara le yone e tsile go amega. Go latlhegelwa ke ditiro ga babereki ba feta 4 000 ba meepo e mebedi e gase thaka ya motho ebile ga go a tshwanela go tsewa motlhofo.

Isago ya babereki le bamalwapa a bone e a go amega ka ditsela tse dintsi jaaka go tlhoka go tswelela mo dithutong ga baithuti ba tlhoka ditsompelo go ba isa dikoleng, malwapa mangwe a ya go sokola dikoloto di retela go duelwa, botsogo le jone bo a go amega thata.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up