Matlhogotshweu konokono-Khama

Tautona Khama a supa hempe ya ga Sir Seretse Khama
Tautona Khama a supa hempe ya ga Sir Seretse Khama

Tautona wa phathi yoora Domkraga (BDP), Lt. General Dr. Seretse Khama Ian Khama a re go nna le tebelopele le go ela tlhoko ditsamaiso tsa merero ya puso ga matlhogotshweu a phathi ya Domkraga go segetse Batswana tema le isago e e nonofileng ya puso ya batho mo lefatsheng leno.

Khama o buile se ka Mosupologo kwa tshimolodisong ya ditshupegetso le metlobo ya ditso tsa goora Domkraga, mo Gaborone.

Mo moletlong o o neng o tshologetswe ke mangwe a matlhogotshweu a Domkraga Dr. Gaositwe Chiepe le Patrick Balopi, matona mangwe a puso le mapalamente, Khama o boletse fa ka fa tlase ga boeteledipele jwa gagwe le jwa boeteledipele jwa bo Tautona ba pele Sir Seretse Khama, Sir Ketumile Masire le Dr. Festus Mogae, BDP e netefaditse fa puso ya batho ka batho e tsweletse ka go rena mo Botswana.

Editor's Comment
BDP primaries leave a lot to be desired

The BDP as a party known to have ample resources has always held its primaries well in time, but this time around that was not the case. The first leg of the primaries was held last weekend, with the final leg being billed for the coming weekend. This time around, the BDP failed to shine in its primary elections. The elections were chaotic; most if not all polling stations didn't open at the specified time of 6am. Loyal BDP members braved the...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up