Masaitseweng a kgolegelo

No Image

Kabelo o dingwaga tse di masome a mane le bone (44). Ke mokgatla wa kwa Mochudi kwa kgotleng ya Boseja. O simolola polelo ya gagwe ka go bolela fa a jewa ke lesokolela la masaitseweng a mo dikgolegelong tsa Botswana.

A re ke ka jalo a boneng go se thona go amogana le Batswana ka dingwe dikgwetlho tse di fitlhelwang mo dikgolegelong. A re o solofela gore bangwe ba tlaa tsiboga le go nna le seabe mo go tokafatseng seemo se.

Thelo a re o simolotse loeto la gagwe la go gotlhagotlhana le molao ka 2008 morago ga go sekela go utswa leruo mme a atlholelwa dingwaga dile lesome, tse tlhano ka go latelana ga tsone mo melatong e mebedi. Le fa go ntse jalo, a re o ne a disa poo dingwaga dile nne le dikgwedi dile borobabobedi, a sena go ikuela kwa kgotleng kgolo ya ditsheko tsa boikuelo.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up