Mapalamente ba tlhoka ithutuntsho � Makgalemele

Phillip Makgalemele
Phillip Makgalemele

Mothusa Tona kwa Ofising ya ga Tautona le Bodirelapuso, Phillip Makgalemele a re gore mapalamente a kgone go dira tiro ya bone ka bonokopila le botswerere ba tlhoka gore nako le nako ba rutuntshiwe ka dikitso tse di maleba.

Makgalemele o ne a bua kwa palamenteng bosheng fa a kopela lephata leo madi. A re gore mapalamente a kgone go sekaseka melao sentle le go dira ditshwetso tse di maleba, ba tshwanetse gore ba kgone go bona dikitso tse di maleba ebile di tsamaelana le dinako tsa se gompieno.

O ne a re ke gone ka moo, palamente e lemogang botlhokwa jwa go nonotsha mafelo a dikitso le metlobo ya dibuka. Makgalemele a re le buka ya dipuisano tsa palamente (Hansard) e tla tswelela e dirwa letsatsi le letsatsi go baya ditsamaiso tsa palamente mo matlhong a setshaba. Makgalemele a re mapalamente ba tla neelwa le dikitso tsa maranyane a segompieno. A re mapalamente ba tla tsenelela dithutuntsho tsa tiriso boranyane le gone go neelwa ditshitswana tsa tiriso ya boranyane. Makgalemele a re le badiri ba palamente le ba diofisi tsa mapalamente kwa dikgaolong, ba tla nna karolo ya thutuntsho ya palamente. O tsweletse ka gore dikago le didirisiwa tsa mapalamente le tsone di tla tokafadiwa go lepalepana le ditlhabololo tse.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up