Malomatsebe a tla sirelediwa-Makgalemele

No Image

Go solofetswe gore palamente e fetise molao-kakanyetso o otla rotloetsang le go sireletsa bao ba itlamang go bega tshenyetso setshaba. Se ke ka gore mapalamente le bana-le-seabe ka go farologana ba tswa kgakala ba dumalana gore go lwantsha tshenyetsa setshaba go ka nna motlhofo le go feta fa go ka rurufaletsa ba ba itlamang go e bega gore ba tla sireletsega.

Mothusa tona wa ofisi ya ga Tautona le Bodirela puso, Phillip Makgalelemele o tlhaloseditse palamente bosheng, gore go fetisiwa ga molao o, go tla tsholetsa lebelo la twantsho tshenyetso setshaba, le go thusa gore tiro ya ba Lephata la twantsho tshenyetso Sechaba (DCEC) e nne bonolo.

Makgalemele o tsweletse ka gore go a itumedisa go bona lefatshe leno le tswelela ka go galalediwa ka tshenyetso setshaba e kwa tlase. A re go ya ka pego ya Lekalana la Global Corruption Barometer, People and Corruption: Africa Survey 2015, Batswana ba dumela fa bangwe ka bone ba palo e kwa tlase (1%) ba ntsha pipa molomo. Makgalemele a re o dumela fa Batswana ebile e le bone ba ka fedisang tshenyetso sechaba.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up