Makhura o batla go gakolola Khama

George Makhura
George Makhura

PALAPYE: Mokhanselara wa Kgotlana ya Khurumela kwa Palapye, gape ele leloko la phathi ya Mogobagoba (BCP), George Makhura, are tautona wa Botswana, Seretse Khama Ian Khama, o tlhoka dikgakololo tsa batho ba ba botlhale jaaka ene (Makhura).

Mo potsolotsong le Naledi, Makhura o tlhalositse fa a tshwenngwa ke ka fa goromente wa BDP o sa buseng lefatshe sentle ka teng. Makhura yo a reng ke moporofiti wa sepolotiki, a re o nnile le pitso go tswa kwa legodimong mme a bontshiwa gore mo dingwageng tse lesome goya go tse lesome le botlhano tse di tlang lefatshe leno le tlabo le le mo mathateng fa goromente yoo busang a ka seka a fetola ka fa a dirang dilo ka teng.

Makhura, yo a leng mo setlheng sa gagwe sa ntlha mo khanseleng, o supile goromente ka monwana a re o dumela thata mo go buseng  ka go dirisa mothale oo sologelang molemo bahumi fela, mme o seegela kwa thoko ba ba kobodikhutshwane.

Editor's Comment
Micro-procurement maze demands urgent reform

Whilst celebrating milestones in inclusivity, with notably P5 billion awarded to vulnerable groups, the report sounds a 'siren' on a dangerous and growing trend: the ballooning use of micro-procurement. That this method, designed for small-scale, efficient purchases, now accounts for a staggering 25% (P8 billion) of total procurement value is not a sign of agility, but a 'red flag'. The PPRA’s warning is unequivocal and must be...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up