Makgotla a sepolitiki a moono mongwe

Mopalamente wa BCP, Bagalatia Arone
Mopalamente wa BCP, Bagalatia Arone

Mapalamente a goora Domkraga (BDP) le a kganetso a Kgololo (BCP), Moono kana Sekhukhu (UDC) ba dikgaolo tse di amilweng ke tshwetso ya molao o mosha wa go tshwara ditlhapi ba kopileTona Tshekedi Khama go tokafatsa therisano le batho pele lephata la gagwe le dira ditshwetso tse di ba amang.

Mopalamente wa Okavango, Bagalatia Arone o boleletse Tona Khama kwa palamenteng bosheng gore fa lephata la gagwe le ka tswelela ka go dira ditshwetso le sa rerisa setshaba le ene tiro ya gagwe ele tona e tla mo ketefalela le go feta.

Arone o ne a akgela mo tshutisong ya tshoganetso e eneng e tsisitswe ke Mopalamente wa Chobe, Ronald Shamukuni. Shamukuni o ne a batlile gore Khama a seegele fa thoko molao o mosha wa go tshwara ditlhapi. Arone a re fa go na le sengwe se Khama a batlang se sekasekwa ka go tshwara ditlhapi,tona o tshwanetse a bua le bone ele mapalamente a dikgaolo tse di amegang.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up