Maforaga a re bana ba otlhaiwe mo go lekanetseng
Wednesday, March 29, 2017
Maforaga o ne a bua kwa phuthegong e e neng e biditswe ke ba lephata la thuto bosheng. Phuthego e, e ne e batla megopolo mo setshabeng gore, ke go dirwe jang go tokafatsa maduo a baithuti, a bontsi jwa Batswana, bogolo jang batsadi le puso, ba bonyeng a sa itumedise fa a tshwantshanngwa le a ngogola.
Kgosi a re, malatsi ano, thupa mo baithuting, e tsaya phekelo e sele, e bile e gomagometsa go tshabisa bana sekole. A re seemo se, se ka felela se koafatsa maduo a dikolo. O boletse gape gore, le fa bogologolo thupa e ne e dirisiwa go otlhaya baithuti, barutabana ba ne ba ela tlhoko dikarolo tse moithuti a ka itewang mo go tsone. A re go dira jalo go ne go tsewa e le tsamaiso ya go tsenya bana mo tseleng, e seng go ba otlhaya. Maforaga a re, le one molao wa lefatshe leno, ga o letle gore baithuti ba otlhaiwe ka bokete jo barutabana bangwe ba itayang bana ka teng.
The Ministry of Agriculture, local producers, retailers, and industry associations must work together to overcome the obstacles hindering vegetable production and distribution.This collaborative approach is essential to improve the availability, quality, and affordability of vegetables in the market.Firstly, the Ministry of Agriculture should provide support and guidance to local farmers to enhance their productivity and efficiency. This could...