Lenaneo la itlhatlhobe o tseye kalafi, le rotswe

No Image

Mokwaledimogolo wa lephata la Botsogo, Shenaaz El Halabi a re lephata la gagwe le simolodisitse lenaneo le lesha la go hema kanamo ya HIV le bolwetse jwa AIDS, la go tlhatlhoba le go fa kalafi gone foo, le le bidiwang Test and Treat.

El Halabi a re tsela e ya go fokotsa mogare wa HIV e tlaa thusa ka jaana fa motho a itlhatlhoba  go bo go fitlhelwa a na le mogare o ka simolola kalafi gone foo.

O tsweletse a tlhalosa gore ga ba sa tlhole ba emela gore masole a mmele wa motho a nne kwa tlase ga makgolo a mabedi le masome a matlhano kana makgolo a mararo le masome matlhano, pele ga ba simolola kalafi.  El Halabi re ba setse ba lekeleditse lenaneo le kwa dikgaolong tse lesome le bosupa mme ga goa supagala bodiphatsa ja lone gope.  El Halabi o tlhalositse gape gore fa motho a ka tswa a setse a nnile ngwaga ka mogare o ka nna borai mo anamiseng mogare.  A re moono-mogolo wa lenaneo le ke go leka gore ka ngwaga wa 2020 go bo go sena kanamo ya megare kana o fokotsegile.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up