Kwena e thulanya morafe le bogosi

Letlhakeng - Kwa motseng wa Letlhakeng go tsogile ntwa e e botlhoko jaaka morafe o shakgetse thata morago ga gore sekano sa kwena e eleng sereto se se ntseng se agilwe le go tlhomiwa fa pele ga kgotla go supa letshwao la morafe o se thubiwe le go ntshiwa foo.

Se jaanong se dira gore morafe o supe bogogi jwa one ka monwana mo go se o reng ke semorafe fela se se papametseng ka bogogi jo jo bo sa bine kwena ka e le babinanare.

Mo phuthegong ya VDC e e eteletsweng ke Rahym Batshwaregi, magosana le kgosi ya motse, Kgosi Itsoseng Gaoonwe, le mothusi wa gagwe, Tumelo Puleng, Bakgwatlheng, Bashaga, Batshosa, Bakwele, le Batlhaping, ba go bolelwang e le bone ba ba nang le tshwanelo ya go busa ka e le bone ba tsileng pele mo Letlhakeng, ba ne ba bua ka tshakgalo ba re ba batla go itse motho yo o ntshitseng sekano sa sereto sa bone ebong kwena mo kgotleng morago ga go nna foo dingwaga di le dintsi.

Editor's Comment
Micro-procurement maze demands urgent reform

Whilst celebrating milestones in inclusivity, with notably P5 billion awarded to vulnerable groups, the report sounds a 'siren' on a dangerous and growing trend: the ballooning use of micro-procurement. That this method, designed for small-scale, efficient purchases, now accounts for a staggering 25% (P8 billion) of total procurement value is not a sign of agility, but a 'red flag'. The PPRA’s warning is unequivocal and must be...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up