Kotsi e gapile botshelo jwa mokgweetsi

PIC: MORERI SEJAKGOMO
PIC: MORERI SEJAKGOMO

PALAPYE: E rile ka mafelo a beke e re tswang mo go yone, monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le bobedi (32) a latlhegelwa ke botshelo morago ga gore koloi e a neng a le mopalami mo go yone e pitikologe.

Mo potsolotsong le Naledi, mogolwane wa mapodise a pharakano kwa Mahalapye, Assistant Superintendent Kgosienalerona Sechoni a bolela fa kotsi e ya koloi ya modiro wa Toyota Vitz, e diragaletse mo motseng wa Mahalapye gaufi le sekole se se golwane sa Morale mme moswi a ne a ragosediwang kwa sepateleng sa Nyangabgwe ka dikgobalo tse di Masisi mme morago dingaka tsa tlhalosa fa a tlhokafetse. 

“Kotsi e diragetse bosigo morago ka nako ya boferabongwe, mme fa re dira ditlhotlhomiso go supafala fa mokgweetsi ane a latlhegelwa ke taolo ya koloi mme ya tswa mo tseleng ya pitikologa,” ga tlhalosa Sechoni, a bolela fa loso le le bakilweng ke kotsi e, ele lwa boferabobedi lo lo bakilweng ke dikotsi tsa tsela mo kgaolong ya Mahalapye.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up