Kokorwe o kgalwa bobe

Kokorwe
Kokorwe

E rile fela fa a goroga, bangwe ba ngongorega thata ka fa motsamaisa-dipuisanyo tsa palamente, Gladys Kokorwe, a neng a tsena ka gone. Bangwe ba ne ba dumela gore se ke maiteko a phathi ya Botswana Democratic Party (BDP) a go laola botsamaisi ja dipuisanyo tsa palamente le gore bontsi ja sebaka bo sokamele kwa go yone.

Fela, ba BDP ba ganeditse se makgetho a le mmalwa. Mothusatautona, Mokgweetsi Masisi, ke mongwe wa ba ba ganeditseng dipego tse thata segolo bogolo kwa palamenteng. Kokorwe le ene o boletse nako le nako fa a fiwa sebaka, gore ene le mothusi wa gagwe, Kagiso Molatlhegi, ba tsamaisa dipuisanyo tsa palamente sentle ba sa tseye matlhakore.

Molatlhegi ene, Wynter Mmolotsi wa Francistown Borwa, o ne a mo supa ka monwana palamente e e sa tswang go wela, a re o kgoreletsa le go tshosetsa mopalamente wa Letlhakeng/Lephepe, Liakat Kably, go bua. Kably o ne a akgela mo tshutisong e e fetisitsweng ya go oketsa mapalamente a a itlhophetsweng.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up