Kgosi Chika III o lela ka lobala lwa Kasane

Lobala la metshameko la setshaba
Lobala la metshameko la setshaba

Kgosi Peter Chika III wa kgaolo ya Chobe a re go lebega fa seemo sa itsholelo ya lefatshe leno se tokafetse fela thata, ka jalo puso e tshwanetse ya simolola go potlakela go aga lobala lwa metshameko kwa kgaolong ya Chobe.

Chika o buile jaana kwa phuthegong e e satswang go wela ya Ntlo ya Dikgosi a bolela fa ese ene moemedi wa batho wa ntlha go kopela kgaolong ya Chobe lobala. A re Dikgosi tse dingwe le mapalamente ba tswa kgakala ba toula kopa e mme fela go se nko e tswang lomina. A re gangwe le gape lebaka le nna lengwefela la gore puso ga e na madi. O boletse fa Mopalamente wa Gaborone Bokone, Haskins Nkaigwa a ne a patelesega go kopa puso gore fa mabala a magolo pala, bogolo puso e sekaseke go agela dikgaolo mabala a ma potlana.

Kgosi Chika o ne a boditse Tona wa Lephata la Tlhalolo Banana, Metshameko le Ngwao Thapelo Olopeng gore lobala lwa metshameko le la agiwang kwa kgaolong ya Chobe.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up