Kgathi o ipela le Heavenly Garrison Ministries

Kgathi
Kgathi

Go tlwaelesegile go bona diphuthego tsa dikereke tse di nang le matshwititshwiti e le tse di eteletsweng pele ke batswakwa. Tsa mafatshe a sele re di bona ka mafaratlhatlha a thelebishine. Malatsi ano seemo mo Botswana se a fetoga.

Se se supagetse Matlhatso a a fetileng kwa Palapye fa phuthego ya ga Prophet Meshack Mangadi, Heavenly Garrison Ministries, e ipelela dingwaga tse lesome,  ebile e bulwa semmuso.

Mo gare ga boidiidi jo bo neng bo le koo ga bo go le Motlotlegi Tona Shaw Kgathi,  yo e neng e le sebui sa tlotla sa letsatsi. Go ne gona le Motlotlegi, Mothusa Tona Kgotla Autlwetse, yo ebileng e le leloko la phuthego eo. Kwa ntle ga matona, ga bo go le setlhopha sa baruti ba dikereke tsa mo gae, se akaretsa Prophetess Mumsy, Bishop Gaotloge, Moruti Sebokonyane, le Bishop Alex go tswa Nelspruit kwa Aforika Borwa le Apostle Sebeki go tswa Zimbabwe.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up