Ke eo paseka!

The Huntsman: Winter's War Poster
The Huntsman: Winter's War Poster

Malatsi a Paseka kgotsa a go swa le go tsoga ga morwa Modimo, Jeso Keresete a gorogile jaaka Batswana ba ipaakanyetsa go tsaya maeto a mesepele e meleele le e mekhutshwane go ya kwa mafelong a a farologanyeng go a ipelela teng.

Monongwaga go bonala sentle gore malatsi a tsile ka nako e e siameng thata ka e le mafelo a kgwedi bangwe bogolo jang ba netswe ke pula ya dituelo, fa gape le ene Ramasedi a ne a bula magodimo go nesa dipula tsa letlhogonolo tsa medupe,  eleng seo dibase le terena di emeng sentle go emelela di tletse thii!

Batswana ka go farologana ba boleletse Naledi fa e ntse e okomela mo mkegwatlheng ka Mosupologo go botsa ka malatsi a, gore ga gona sepe se se ka ba kgoreletsang go tsaya maeto, ba re ba itumela thata ka monongwaga malatsi a, a suteletse thata kwa mafelong a kgwedi. Ba bolela fa gantsi kgotsa mo dingwageng tse di fetileng, a ntse a nna bokete le bosula ka a ne a tsena kgwedi e paraletse ba se na madi a go palama go ya mafelong a ba eletsang go ya kwa go one.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up