Katisang bana ka matsetseleko� Radipotsane

Radipotsane
Radipotsane

PALAPYE: Mothusa mokatisi wa setlhopha sa kgwele ya dinao sa Zebras, Oris Radipotsane, a re bakatisi ba bana baba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le botlhano, ba tshwanetse ba netefatsa gore baa ba tlhokomela.

Radipotsane o buile se kwa moletlong wa go abela bakatisi ditlankana gotswa go ba Gardio Football Academy, a bolela fa basimanyana ba ba dingwaga di kwa tlase ba tlhoka bakatisi baba tlhaloganyang dikakanyo tsa bone ebile ba rutetswe bokatisi jwa bana ba ba kalo.

Mokatisi yoo, yo o kileng a tshamekela setlhopha se segolo sa Dipitse dingwaga tsa maloba, ebile ana le maitemogelo a magolo go katisa ditlhopha tse dikgolwane mono gae, o rotloeditse bakatisi go botsolotsa thata ka matshelo a basimanyana baba ba katisang go netefatsa gore ba tshela sentle ebile ba itekanetse go ka tshameka kgwele ya dinao. A re gole gantsi bana ba supa lorato lwa go ka tshameka, ba abetswe mme ba sa bone thotloetso go tswa kwa malwapeng ebile ba bangwe ba tswa mo go a itsholelo e e kwa tlase.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up