Karabo Bosane-Lorato lwa kgaso ya metshameko

Bomme ba ba itiretseng maina mo mererong ya kgwele ya dinao mono gae, mo go tsa kgaso le bobegadikgang, ke bo Peo Keatlholetswe, Anastasia Sibanda le Cabino Kokole magareng bangwe. Ya re go dira jalo ga bone, bomme bangwe ba kgothatsega mme mongwe ke monana yo o iponang a gatetse pele mo mererong ya kgwele ya dinao.

Mme yo ke Karabo Bosena yoo dirang mo lekalaneng la metshameko kwa thelebishining ya Botswana (Btv). Mme Bosena a re dingwe tsa dikeletso tsa gagwe ke go nna mme wa ntlha mono gae go gasa metshameko wa dinao le e mengwe.

Miss Kay jaaka bangwe ba mmitsa, a re nako e gorogile ya gore bomme ba ba mo bobegadikgannyeng  jwa metshameko ba gase metshameko fela jaaka borre. O file sekai ka borre ba tshwana le Nelson Ditibane le Tiro Lepotokisi. A re bomme ba tshwanetse go itepatepanya le bone. Karabo a re ga baa tshwanela go itsewe fela ka go botsolotsa mo dithulaganyong tsa metshameko. Ke mongwe wa batsamaisi ba thulaganyo tsa Tshamekang le E Nole kwa BTV.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up