Kankere ya lebele e ka thibelwa

No Image

Moitsaanape wa botsogo kwa lephateng la Botsogo le Boitekanelo, Dr. Malebogo Pusoentsi, a re o kgothaditse bomme le borre go itlhatlhobela kankere ya lebele nako esale teng go hema go bifelwa ke bolwetse jo go setse gole thari.

Dr. Pusoentsi o buile se beke e e fetileng kwa bokopanong jo bo neng bo rulagantswe ke lephata la gagwe le lekgotla la twantsho kankere mo  Botswana (CAB). Pusoentsi a re go itlhatlhobela kankere ya lebele go dirwa go lebilwe go tsibogela dipelaelo tse motho a ka tswang ana le tsone mabapi le bolwetsi jo.

Pusoentsi o tsweletse a gakolola Batswana go etela bongaka go dira tlhatlhobo ya seipone ngwaga le ngwaga, a bolela fa bomme ba ba dingwaga tse di masome a mane le botlhano go ya kwa godimo ba rotloediwa go dira tlhatlhobo e. O tsweletse a gakolola gape fa dipatlisiso di supa fa go amusa ka lebele lebaka le leele go ka fokotsa bodiphatsa jwa go tsenwa ke kankere ya lebele, a afa sekai ka sebaka sa ngwaga tse pedi kgotsa go feta sa go amusa.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up