Jambo o golotse �Ae Khale Koma

Jambo a na le setlhopha sa gagwe ba diragatsa
Jambo a na le setlhopha sa gagwe ba diragatsa

PALAPYE: Sekgantshwane sa mmino wa setso, Shepherd Arabang (31), se golotse alebamo e ntsha ee bidiwang ‘Ae Khale Koma’. Alebamo e ena le dipina dile thataro mme e gatisitswe kwa Stop Over Records kwa Mochudi ka borulaganyi jwa ga Morekolodi Kgole.

Mo potsolotsong le Naledi, Arabang yoo tlwaelesegileng ka leina la Jambo, a re o tswa kgakala a na le lorato mo mminong wa Setswana ebile a rata ngwao. Ke ka jalo a boneng go tshwanela go opela dipina tsa setso. A re gotswa bonnyaneng jwa gagwe e ne ele sebini sa mmino wa setso mme a emisa fa a tsena kwa sekolong sa ithutelo tiro sa Botho University ka ngwaga wa 2008 ka a ne a batla go tlhwaafalela dithuto.

O tlhalositse fa pina ya ‘Ae Khale Koma’ a ne a leka go lemotsha Batswana gore o boile ebile o santse a ka diragatsa thata. A re o ne a gatisa alebamo e ka maikaelelo a go dumedisa Batswana ka yone. Mo pineng ya Banyana, Jambo a re o gakolola bomme ka fa borre ba kgonang go nna maferefere ka teng. A re monna o kgona go itira yo o ratang lekgarebe mme ere a sena go mo imisa a mo phuaganye. A re ka moo pina e leka go gakolola bomme go ikela tlhoko mo seemong sa go iphitlhela ba inaakantse le borre ba ba senang boikarabelo.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up