Itsholelo ya Botswana

Tautona Khama o sa tswa go fa pego ka botsogo ja itsholelo ya Botswana. Bontsi ja Batswana bo ne bo solofetse gore pego ya ga tautona e tlaa remelela mo go tleng ka maano le methale ee popota ya go tlhama mebereko segolo bogolo e lebagantswe le kgaolo ya Selebi-Phikwe le banana ba ba sa bolong go lela ka go tlhoka ditiro.

Tautona o buile ka tatlhego ya ditiro kwa meepong ya Selebi-Phikwe le Tati mme a seka a tsenela kwa teng ka maemo a tshoganetso a babereki ba ba fetang  6000 ba ba latlhegetsweng ke ditiro ka kgwedi ya Phalane monongwaga. Tatlhego ya ditiro tseo fela ka bo yone e raya gore batho ba ka feta 20 000 ba ba ikaegileng ka babereki bao ba mo diphatseng tsa

khumanego le tshotlego ntateng ya itsholelo ee phutlhameng ka tshoganetso ya malwapa a bone.

Editor's Comment
Stakeholders must step up veggie supply

The Ministry of Agriculture, local producers, retailers, and industry associations must work together to overcome the obstacles hindering vegetable production and distribution.This collaborative approach is essential to improve the availability, quality, and affordability of vegetables in the market.Firstly, the Ministry of Agriculture should provide support and guidance to local farmers to enhance their productivity and efficiency. This could...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up