HIV/AIDS e gwetlhile Mogae

Mogae
Mogae

Tautona wa pele wa lefatshe la Botswana, Dr Festus Mogae, a re fa motho a eteletse batho, go na le dilo di le mmalwa tse a tshwanetseng go di dira, bogolo jang tse erileng ka nako ya ipapatso a di solofetsa batlhophi le Batswana ka kakaretso.

A re mme fa o ntse o busa jaana gona le tse di tlhagogang fela di go kubegela o sa di solofela, tse o ka se di ikgatholoseng. O ne a fa sekai ka bolwetse jwa segajaja jwa HIV/AIDS jo a reng bo ne ja mo sotla thata mo moweng fa bo batla go nyeletsa tshaba e a e eteletseng.

Fa a bua kwa moletlong wa tsamaya sentle le malebo go tswa mo lekgotleng la bolwetse jwa AIDS, National AIDS Council (NAC), Mogae o ne a bolela fa ntlhopheng mongwe le mongwe go tloga fela ka mokhanselara, mopalamente le tautona a na le dilo kgotsa ditiro dingwe tsa go tlhabolola matshelo a batlhophi ba gagwe, tse a solofetsang go di ba direla fa a ka tlhophiwa.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up