Go-o-boi ga go suwe kwa maboleng

Kabelo Bagwasi (boshibidu)  le Onkaradile Mothibedi ba nkgisana magwafa
Kabelo Bagwasi (boshibidu) le Onkaradile Mothibedi ba nkgisana magwafa

Erile ka Matlhatso kwa kgaisanong ya motshameko wa mabole kwa Village ga bonala sentle gore Motswana wa maloba fa a ne a re kwa a bo boi ga go suwe o ne a opile kgomo lonaka, jaaka ramobole wa Prisons a ne a tshaba go kopana le ramabole ka ene Kabelo Bagwasi.

Kabelo Bagwasi, ke monnawe Kagiso Bagwasi, mme motshameki yo o tumile thata ka go letsa lebole go utlwala mo mongwe le mongwe yo a thulanang le ene mo mosakong wa mabole, mo ka dinako tse  dintsi a tlogelang go tshologa kgodu e khibidu mo dinkong le melomo ya banna. Motshameki yo, Bagwasi o setse tlwaeditse barati le balatedi ba motshameko wa mabole gore fa a palama mosako go a senyega, o tlhomamisa fa a sa neele ramabole yo a lwang le ene gore le fa se e le motshameko, ene ga atla go tshameka gotlhelele.

Ga leina la gagwe lebidiwa, gantsi babogedi ba goela kwa godimo ka boitumelo go supa fa ba itse gore jaanong go tla ramabole wa mofuta ofe, mme ene e re atla a lebege fela a iketlile, a le bongolanyana, ebile ka dinako dingwe o kare o tshogile. Fela mekgwa ya gagwe e bonala sentle fa phala e lela go simolodisa ntwa e e bidiwang motshameko, e tla a re karolo ya ntlha e wela motshameki yo a lwang nae a eletse okare e ka bo e le karolo ya bofelo e e leng ya boraro. Ka Matlhatso, morwa Bagwasi ebong Kabelo Bagwasi o ne a tshwanetse go tsena mo ntweng e e thata ya gagwe le ramabole yo setlhopha sa gagwe se neng se tshegeditse kgaisano, Prisons ene e le Bashe Motlhane. Ntwa e, e ne e le ya bokete jwa 60kg. Bobedi jo fa bo thulana makgetho a se kae a a fetileng go ne go lebega sentle gore Motlhane o a iteka, fela ka ntlha ya maitemogelo a ga Bagwasi a seke a kgone go fenya.

Editor's Comment
Inspect the voters' roll!

The recent disclosure by the IEC that 2,513 registrations have been turned down due to various irregularities should prompt all Batswana to meticulously review the voters' rolls and address concerns about rejected registrations.The disparities flagged by the IEC are troubling and emphasise the significance of rigorous voter registration processes.Out of the rejected registrations, 29 individuals were disqualified due to non-existent Omang...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up