Ga re ithatise bobegadikgang � BOFEPUSU

PIC: KENNEDY RAMOKONE
PIC: KENNEDY RAMOKONE

Boeteledipele jwa Lekgotla la Babereki la BOFEPUSU bo latotse magatwe a gore kemonokeng e ba e solofetsang bobegadikgang mo dikgwetlhong tse di ba lebaneng, ga se go leka gore babegadikgang ba sekamele ka fa go bone fa ba dira tiro ya bone.

Se se senogile fa bagolwane ba BOFEPUSU ba ne ba lekodisa babegadikgang ka dikgang tse di farologaneng, kwa Avani Hotel bosheng. Dingwe tsa dikgang dine di akaretsa tshwetso ya bone ya go ikuela kgatlhanong le katlholo ya ga moatlhodi Tebogo Maruping mabapi le khuduthamaga ya tshekatsheko ya dituelo tsa babereki (bargaining council) le lekgotla la BOPEU. Dingwe dikgang di ne di akaretsa seemo sa thuto, botsogo le tshenyetso sechaba mo Botswana.

Kgang ya konokono letsatsi leo ya bo ele go tlhomamisetsa babegadikgang gore bone ele BOFEPUSU ba ba ema nokeng mo matshwenyegong a bone. BOFEPUSU e solofeditse bobegadikgang fa etla ba direla thuto-puisanyo ka dikgang tse di farologaneng mme etla laletsa batlhatlheledi le makgotla a sepolotiki go tla go thulanya ditlhogo ka dikgwetlho tse di amang bobegadikgang. Nngwe ya dintlha tsa ithutuntsho e tla nna go tla ka methale ya go gwetlha molao wa kgololesego ya dikitsiso kana Freedom of Information Act

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up