Ga re iphotlhare mabogo

Go tswa Goo Lowe Batswana ba tshela ka temo le loruo. Selo se, Motswana wa maloba a se tlwaela mo e leng gore, e ne e re fa motho a sa rua, kgotsa a se na tshimo, a sa leme, go se ke go dumelwe gore ke Motswana sentle.

A bodiwe gore, a sa leme, a sa rue, o rlaa tshela jang ka botshelo jwa Motswana ke kgomo le tshimo. E le boammaaruri ka gore, gone le fa rotlhe re ka se ka ra lema kgotsa ra rua, tsela fela ya go bona dijo ke temo thuo.

Le fa go ntse jalo, go na le kgang ya gore, ga re ise re kgone go lema le go rua mo go lekanyeng go jesa Botswana, mme re felele re reka dijo tse dintsi ka kwa ntle ga fatshe jeno. Re kgone go ja mme sebe sa phiri e nne gore, madi a a ka bong a tsweledisa ditiro dingwe mono gae, a a tlola, a ye go sele, kwa re rekang dijo teng. Mme rona re sale kae? Re salele kwa morago, ditiro dingwe di eme, ka madi a go di dira, a tlodile a ya go reka dijo tse re neng re ka bo re di itiretse.

Editor's Comment
Prosecutors deserve better

These legal professionals, who are entrusted with upholding the rule of law, face numerous challenges that compromise their ability to effectively carry out their duties.Elsewhere in this edition, we carry a story on the lamentations of the officers of court.The prosecutors have raised a number of concerns, calling for urgent attention from all relevant stakeholders, including the President, Minister of Justice and the Attorney General. Their...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up