Ditlhopha di paletswe ke go ipapatsa

Baletedi ba kgwele ya dinao
Baletedi ba kgwele ya dinao

Liki ya motshameko wa kgwele ya dinao ya be MOBILE e e rotloediwang ke kompone ya ditlhaeletsano ya BTC ka fa tlase ga setlamo sa megala ya letheka ya be MOBILE e e setseng e le mo bekeng ya boraro e simolotse ka Labotlhano kgwedi ya Phatwe e le malatsi a supa.

Le fa ditlhopha di tsere sebaka se se leele di ntse di ikhuditse, mmegadikgang wa Naledi  TEICHLER RANKOA  a re di paletswe ke go dirisa sebaka se go ipapaletsa barati le balatedi ba motshameko wa kgwele ya dinao, gammogo le maloko a masha tota.

Morago ga go tsenya madi a mantsi thata mo liking e kgolwane ya Botswana ke kompone ya be MOBILE (BTCL), ditlhopha di ne tsa simolola go ema ka dinao go lwa ka gotlhe go gwetlha le go fenya liki e ngwaga le ngwaga. Go ne ga itumedisa thata go bona ditlhopha tse ditona tsa Botswana, Gaborone United, Township Rollers le Mochudi Centre Chiefs di tlhomamisa gore di kwala maina a tsone mo koping ya be MOBILE le gone go gapa sedikadike sa dipula go tswa be MOBILE.

Editor's Comment
Micro-procurement maze demands urgent reform

Whilst celebrating milestones in inclusivity, with notably P5 billion awarded to vulnerable groups, the report sounds a 'siren' on a dangerous and growing trend: the ballooning use of micro-procurement. That this method, designed for small-scale, efficient purchases, now accounts for a staggering 25% (P8 billion) of total procurement value is not a sign of agility, but a 'red flag'. The PPRA’s warning is unequivocal and must be...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up