Ditlhopha di gopela BR Highlanders

No Image

Mookamedi wa setlhopha sa Botswana Railways Highlanders (BR Highlanders), Witness Phuthego, a re manong a setse a simolotse go okaokao fa godimo ga batshameki ba setlhopha sa gagwe.

Phuthego o boleletse Naledi bosheng gore o setse a amogetse makwalo a le mmalwa go tswa mo ditlhopheng dingwe a kopa go bua le batshameki ba bone. Setlhopha se sa kwa Mahalapye, se ka nna sa latlhegelwa ke batshameki bale bantsi go ya ditlhopheng tse dingwe segolobogolo tsa beMobile.

Ka nako ya fa pego e e kwalwa, Mochudi Centre Chiefs ba ne ba setse ba kwaletse BR Highlanders ba kopa go bua le motshwaradinno, Ookeditse Semelamela. Semelamela, le ntswa a santse a le mmotlana, ke motshameki wa tlhwatlhwa ka le mokatisi wa setlhopha sa setshaba, Peter Butler, a supile fa a mo kgatlhegela. Fela, setlhopha se go solofetsweng gore se akole metwane ya batshameki ba BR Highlanders le go feta, ke se sengwe sa kwa Mahalapye, United Hotspurs, jaaka se tsena mo beMobile. Hotspurs yone e setse e supile fa e kgatlhegela mokapoteni wa BR Highlanders, Agisanyang Ramaabya, segolobogolo ba lebeletse maitemogelo a gagwe a boeteledipele le tshameko ya gagwe ya lemorago. Phuthego o supile fa a amogetse makwalo a ga Ramaabya le motshameka-morago yo mongwe wa bone, Kgakgamatso Ramatshosa.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up