Dipolaano di ile magoletsa kwa Maun

MAUN: Mapodisi a Maun a boletse fa a sa robatswe ke dikgang tsa go ikgapela matshelo gammogo le dipolaano tse di atileng mo motseng o.

Go tlhalositse jalo, Mothusa mookamela sepodisi sa Nhabe, Superintendent John Kelebeng, mo potsolotsong le Naledi.  A re seemo se se tlisa kutlobotlhoko le mahutsana mo go bamalwapa ebile di diragala gantsi fa batho ba sena go tlhoka kutlwisisanyo. A re mo mabakeng a mangwe batho ba itseela matshelo ka ntata ya kutlobotlhoko ee sa laolesegeng.

E re go ntse jalo, Kelebeng o boletse fa ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mme mongwe wa dingwaga tse di masome a mabedi le botlhano (25) wa kgotla ya Ntlhayagodimo mo Maun a fitlhetsweng a akgega mo ditlhomesong tsa ntlo ya gagwe. Tiragalo eo e begetswe mapodisi kgwedi eno e roba bongwe ka nako ya borobabobedi mo maitseboeng a letsatsi leo.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up