Dikgwetlho le dikeletso tsa Ntlo Ya Dikgosi

E rile bosheng, modulasetilo wa Ntlo ya Dikgosi, (NYD) Kgosi Puso Gaborone le bathusi ba gagwe ba bitsa babegadikgang go tla go aga le go simolola botsala. Mme mo go ageng mo, Kgosi o ne a tlhalosa tiro le boleng ja Ntlo ya Dikgosi le tse ba eletsang go bona Ntlo ya Dikgosi ele sone mo dingwageng tse di tlang.

Gaborone o tlhalosistse fa Ntlo ya Dikgosi ele leloko le le fang dikgakololo ka Dikgang dipe  fela tsa goromente kana ntlo ya palamente e di tlisang.  Dikgakololo tse NYD e di fileng, di isiwa kwa palamenteng mme di felele di buiwe teng. Le fa sengwe se ka nna bontle jang,  phetogo  le dikgwetlho ga nke di tlhokafala. Kgosi Gaborone a re ba eletsa go tokafatsa dilo dingwe mo ntlong ya bone. A re ba eletsa gore ba apare dilo tsa setso ebile tumelo ya gagwe ke gore mo dingwageng ba tla apara setso ka ebile basegi ba malatsiano ba sega dilo tse dintle tse ba ka bonang ba ikgantsha ka tsone go tlotlomatsa setso. Kgosi Gaborone a re se gape ba se eletsang ke gore NYD e nne le dikomiti tsa yone tse di katolositsweng tse di tla tsamayang metse le metsana di ruta sechaba ka NYD.  Mabapi le kgang e, Gaborone a tlhalosa fa ba nale dikgwetlho. A re go thata gore ba ka gasa Dikgang tse di tsewang tsa ntlo ya dikgosi ka jaana madi a le ko tlase a sa ba lete. Gape Kgosi e tlhalositse fa beke tse pedi tse tsa phuthego a sa lekana ebile o eletsa ba ne ba ka fiwa beke tse tharo .  A tswelela a bua gore ka NYD e sa ikemela ka nosi, ba nale dikgwetlho ka tiro, ka ba sa kgone go itseela ditshwetso ka bonosi.

Mo bokhutlong, Kgosi o ne a latlhela  kgang ya go rolwa marapo ke puso ga Kgosikgolo ya Bakgatla Kgafela Kgafela II. A bua gore kgang ya Bakgatla ba ga Kgafela e a mo ama ka ba utlwa botlhoko morafe o sena Kgosikgolo mme ba leka ka bojotlhe gore ba thape Kgosi e e tla a o emelang  mo NYD le gone go o gakolola.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up