Dikgwebo tsa banana di lebaganwe ke dikgwetlho � Olopeng

No Image

Le fa puso e tsweletse ka go thusa banana go simolola le go tsamaisa dikgwebo, fela go santse go na le dikgwetlho. Tona wa Banana, Metshameko le Ngwao, Thapelo Olopeng o tlhaloseditse palamente bosheng.

Olopeng a re banana ba lebaganwe ke letlhoko la mafelo a fa ba ka direlang teng. O tsweletse ka gore fa banana ba kgona go bona mafelo a go nna jalo, sebe sa phiri e nna boturu ja phiriso. Bothata jo bongwe jo Olopeng ne a bo kgaogana le palamente bo akaretsa letlhoko la mebaraka. Olopeng a re banana ba bangwe ga ba na dikitso tsa go tsamaisa dikgwebo.

Fela mapalamente bangwe ba ne ba ngongorega gore Olopeng ga a dire go lekane go batlela banana lefatshe . Mopalamente wa Gabane Mmankgodi , Pius Mokgware a re ba sala ba laleditse tona go tla go bona mafelo mangwe mo kgalong ya bone mme nako kgolo ke eno.  Mokgware a re ba na le lefatshe le le ntsi le banana ba ka direlang dikgwebo mo go lone.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up