Dikgwa di a nyelela-FCB

No Image

Lekgotla le le ikemetseng ka nosi le le itebagantseng le go somarela dikgwa mo Botswana (Forest Conservation Botswana) le tsibosa setshaba fa ditshekatsheko di supile fa dikgwa kwa dikgaolong tsa Legare, Bokone le Bokone-Bophirima di tsweletse ka go nyelela.

Mo potsolosong le Moanamisamafoko wa FCB, Lorato Mongatane, ditshekatsheko di supile fa dikgaolo tsa Ngami le Chobe ele tsone tse di amilweng thata ke go nyelela ga dikgwa bogolosegolo mo magareng a dingwaga tsa 2001 le 2012. A re mabaka mangwe a a rotloetsang go nyelela ga dikgwa ke melelo ya naga e gantsi e sa laolesegeng, go saila ga ditlou gongwe le gongwe, ditlhabololo tsa ditsela le go runya ga masimo gangwe le gape. Mongatane a re seemo se se baka gape kgotlhego ya lefatshe, e mo tsamaong ya nako e ka bakang go huduga ga diphologolo le go amega ga ditlhare le maungo a naga.

Mongatane o tsweletse a re go tsibogela seemo se, FCB e itebagantse le go thusa ka madi makgotlana aa ikemetseng ka nosi (NGOs), dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse (VDCs) le makgotla a merafe, (Community Trusts) a a itebagantseng le go somarela tikologo, go tlhokomela le a go tsosolosa dikgwa tsa Botswana.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up