Dikgosikgolo di tshabela sepolotiking

Kgosikgolo Ian Khama
Kgosikgolo Ian Khama

Pele ga lefatshe la Botswana le tsaya boipuso ka ngwaga ya 1966, merafe e ne e le ka fa tlase ga puso, taolo le tlhokomelo ya dikgosikgolo, tse gape e neng e le tsone di tlhokometseng magosi le magosana go ya ka metse, metsana le dikgotlana tsa tsone. Fa Batswana bangwe ba ntse ba tlhalefa ka ntlha ya dithutego tsa bone, bogolo jang bana ba dikgosikgolo dilo tsa fetoga. Mmega-dikgang wa Naledi TEICHLER RANKOA a re diphetogo tse di ne tsa tla ka go tlogela le go phuaganya maemo ga dikgosikgolo jaaka di ne di siya le go taboga fa morago ga sepolotiki.

 Dikgosikgolo tse gareng ga tse dingwe, Kgosikgolo ya Bangwato moswi Kgosikgolo Seretse Khama( a mowa wa gagwe o robale ka Kagiso, Kgosikgolo ya Bangwaketse Kgosikgolo Bathoen Gasesitsiwe(a mowa wa gagwe o robale ka Kagiso, Kgosikgolo ya Bangwato Lt General Ian Khama Seretse Khama, Kgosikgolo ya Batawana Kgosikgolo Tawana Moremi le bosheng Kgosikgolo ya Barolong Kgosikgolo Lotlaamoreng Montshioa II.

Dikgosikgolo go ya ka maemo a bone a matsalo mo merafeng ya one ke batho ba ba tlotliwang thata, ba bitswa maina a tshwana le mmabatho, mong-a-me, phuthaditshaba le bomog-a-rona. Mme ebile maina a bidiwa jaana mogolo, monana le ngwana a suga hutshe le go tsenya mabogo mo gare ga dirope go supa tlotla mo moeteledipeleng yo, yo ebile gantsi go seng motlhofo go mmitsa ka maina mafatshwa.

Editor's Comment
Micro-procurement maze demands urgent reform

Whilst celebrating milestones in inclusivity, with notably P5 billion awarded to vulnerable groups, the report sounds a 'siren' on a dangerous and growing trend: the ballooning use of micro-procurement. That this method, designed for small-scale, efficient purchases, now accounts for a staggering 25% (P8 billion) of total procurement value is not a sign of agility, but a 'red flag'. The PPRA’s warning is unequivocal and must be...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up