Botswana o gatetse pele - QKJ

Masire SENEPE: ZOLANI KRAAI
Masire SENEPE: ZOLANI KRAAI

PALAPYE: Tautona wa pele wa lefatshe leno, Sir Quett Ketumile Joni Masire, a re ga go thona gore Batswana ba bo ba ipelela boipuso le kgatelopele ka ba nnile le seabe mo go seo. Go simolola fela ka matlhogotshweu go fitlha ka banana gompieno.

Masire o buile se kwa thuto-puisanyong kwa a neng a le sebui sa tlotla kwa go yone, kwa sekolong sa maranyane le boitsaanape (BIUST) kwa Palapye bosheng. Quett, jaaka balekane ba gagwe ba ne ba tle ba mmitse, a re mo dingwageng tse di masome matlhano tse di fetileng, Batswana ba ntse ba itsheegile ka letshego la popagano jaaka Motswana a re ‘motho ke motho ka ba bangwe’.

A re seo se ne se supiwa ka mowa wa therisanyo, go nna moono mongwe fela le neelano, e e renang mo pusong ya batho ka batho ya lefatshe leno. “Batswana ba tswa kgakala ba ikaegile ka mowa wa boipelego le boineelo. Ke ka jalo lefatshe leno le kgonneng go gatela pele mo go kanakana.” Masire a rialo.   O boletse gore le ntswa go santse gona le dikgwetlho, Batswana ba tshwanetse ba ipela thata mme ba nne le maitshwaro a a amogelesegang.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up