BOT50 o tsile o ile

Bontsi ja moketemogolo wa boipuso ja dingwaga tse masome matlhano ke bo keteketse mono Gaborone. Ke ne ke ikamantse le tse di neng di gasiwa mo RB1 le Btv.

Ke ne gape ka lekola mafelo mangwe mo Mogoditshane go bona ka fa go neng go ipaakanyeditswe moletlo wa boipuso ka teng. Mo ditseleng, dikgotleng le ditlhareng go ne gole mekgabisa ee dirilweng ka mebala ya folaga ya Botswana ebong botala ya lewapi, bosweu, bontsho, bosweu, botala ja lewapi gape. Lefoko BOT50 le lone le ne le kgabola kgapetsakgapetsa go bapa le mekgabisa eo ya folaga ya Botswana. Dithito (dikutu) tsa ditlhare, dithaere, matlapa, didirisiwa ka mehuta jaaka ditanka,dikoshe tsa ditonki le tse dingwe di ne di kgabile ka mebala ya Botswana. Batho bangwe le bone ba ne ba ikgabisitse jalo ka go ipenta mebala ya Botswana. Batho ba ne ba le bantsi mo Gaborone mo malatsing a bofelo go ya kwa boipusong. Mme yare ka Labone letsatsi pele ga boipuso, ba phatlalalela kwa metseng ya magae. Se se ne sa tlhofofatswa ke gore Labone yoo e ne ele letsatsi la boitapoloso.

Ka Labotlhano lone letsatsi la boipuso, go ne gole batho ba sekae fela mo toropokgolo Gaborone. Lefa go ntse jalo, kwa lebaleng la setshaba mono Gaborone go ne go tletse go penologa batho ba tlile go bogela ditiragalo. Go tlhobogeng go ya kwa lebaleng ka ya kwa Gaborone kwa malwapa aa neng a le kwa tlase ga lesome a mo kampeng a neng a ile go boipuso teng.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up