Borukhutlhi mo Mahalapye ga bo maswe-Kgosi Tshiphe

Motse wa Mahalapye o tswa kgakala gona le dipuopuo tsa gore ke boremelelo jwa borukutlhi le go tshabelelwa ke dilalome. Fela Kgosi Tshipe Tshipe o tlhalosetsa Mmegadikgang wa Naledi OAGENG BATENEGI kwa ofising ya gagwe mo kgotleng ya Mahalapye gore seemo ka nako eno ga se maswe jaaka batho ba se kuela.

E ne e re malobanyana fale fa o etetse mo motseng wa Mhalatswe, banni ba motse ba bo ba go tlhalosetsa gore o seka wa leka ditlhare bothito ka go tsamaya bosigo.Basimane ba ne ba ka go tsaya ba go thothora ba bo ba go tseela le borokgwe. Ne o ere fa ba kelemile sentle ba ne ba golola matoroko a diterena.

Fela dikgang tse ke tsone tse Tshipe a supang fa di ne tsa aga mo ditlhaloganyong tsa batho e bo ekete motse wa Mahalapye o santse o ntse jalo. Tshipe o tlhalosetsa Naledi gore motse wa Mahalapye mo nakong ya gompieno o na le borukutlhi fela jo bo tshwanang le ja metse e mengwe. O supa gore ebile ga go kake ga kuelwa jaaka ekete seemo se dule mo taolong. Tshipe a re seemo ga se maswe jaaka bangwe ba ka tswa ba akanya.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up