BONEPWA e lwantsha lekgobo

No Image

Lekgotla la batho ba ba tshelang le mogare la BONEPWA le simolodisitse lenaneo la go tsibosa setshaba ka mogare wa HIV le bolwetsi jwa AIDS mme le remeletse thata mo go lwantsheng lekgobo le kgethololo.

Bosheng jaana, lekgotla la BONEPWA+ le ne la rola pego (Stigma Index Survey Report) morago ga go dira dipatlisiso tsa go kala seemo sa lekgobo le kgethololo mo batsheleng le mogare mo lefatsheng leno. Ka dithuso tsa lekalana la UNAIDS, NACA, UNDP le Lephata la Botsogo (MoH) pego ya dipatlisiso e ne ya rolelwa banaleseabe kwa bokopanong jwa mafatshefatshe jwa go lekola maiteko a go lwantsha HIV le AIDS kwa Australia ka 2012, mme morago la rolelwa maloko a BONEPWA kwa Tonota, ngogola ka letsatsi la mafatshefatshe la go lwantsha AIDS (WAD).

Pego e ya go kanoka lekgobo, e supa gore ere ntswa le fokotsegile lefatshe ka bophara, go santse gona le dikgang fale le fale. E supa fa lekgobo le tsweletse ka go ama maiteko a go rotloetsa Batswana go tsena mananeo a diritibatsi tsa mogare le go ama maiteko a bao ba ba tshelang le mogare go ikamogela mme ba iphitlhe ka motsikiri (internalized stigma). Dipatlisiso di supa gape fa go santse gona le batho ba ba tsweletseng ka go sebaseba le go mataretsa bangwe lebadi la ka fa ba ka tswang ba amilwe ke mogare ka teng. Batshelalemogare bale 471 mo go ba ba 1231 ba supile fa ba kgobotlilwe ka ditshebo, ngwaga pele ga dipatlisiso di dirwa. Bale 231,ba boletse fa ba ne ba rogakakiwa ka seemo sa bone. Bale 121 ba re ba ne ba kgokgontshiwa ka go itewa ke bakapelo ba bone mabapi le seemo sa bone.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up