BCP e swanyegile molala � Kgathi

BOBONONG: Mothusamokwaledi wa phathi ya Domkraga (BDP) yo gape eleng Mopalamente wa Bobonong, Shaw Kgathi a re go tla nna thata gore phathi ya BCP e sokomologe molala gore e kgone e gape kgaolo ya Bobonong.

Kgathi o buile jaaana ka matlhatso kwa moletlong wa go kgobokanyetsa kgaolo ya Bobonong madi a go aga diofisi tsa kgaolo tse di tla akaretsang ditiro tsa phathi. Kgathi a re ntlhopheng wa BCP mo ditlhophong tse di fitileng, Taolo Lucas ga a kitla a kgona go gapa kgaolo e mo go ene ka a setse a sena maano ape a aka a dirisang go tlhakanyetsa batlhophi maikutlo.

Mopalamente Kgathi o boleletse batsena moletlo gore o ipotsa gore Lucas o tla dirisa maretshwa a fe go gapa maikutlo a batlhophi, ka a setse a kgonne go diragatsa bontsi jwa ditlhabololo tse e riling a nna Mopalamente tsa bo ele melala.  Kgathi yo gape eleng Tona ya Lephata la  Itshireletso,  Molao le Thokgamo, a re mo pusong ya boeteledipele jo bo motia jwa ga Tautona Khama le mothusi wa gagwe Mokgweetsi Masisi, lefatshe leno le sologelwa mosola ke lenaneo la go tsosolosa itsholelo la ESP.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up