Barotloetsi ba akola phokoletso lekgetho

Tona Thapelo Olopeng
Tona Thapelo Olopeng

Tona wa Banana, Metshameko le Ngwao, Thapelo Olopeng a re puso ga e na maikaelelo ape a go fa liki e kgolwane ya BeMobile madi ka tlhamalalo go tsamaisa metshameko ya bone ya kgwele ya dinao.

Olopeng o tlhalositse se kwa palamenteng bosheng, a re le fa gontse jalo puso e tlaa tswelela ka go diga dipante ka tuelo lekgetho mo dikgwebong tsotlhe tse di thusang le go rotloetsa tsamaiso ya metshameko. Tona Olopeng a re phokoletso lekgetho e dirwa go ikaegilwe ka molao wa makgetho, wa kgaolo ya masome a matlhano le bongwe, kgaolwana ya bobedi.

Tona o tsweletse a re lefa puso e ka seka ya kgona go thusa metshameko ya ditlhopha tse dikgolwane ka tlhamalalo ka lebaka la letlhoko la madi, puso e thusa metshameko fela ka kakaretso ka letlole la ba Botswana National Sports Commission (BNSC). A re o amogela gore o itse ka letlhoko la barotloetsi la metshameko mengwe e megolwane.  Fela, a re ele puso ba tsweletse ka go tsenya lekgotla la Botswana Football Association (BFA) tlhware legonyana gore ba ipatlele barotloetsi. Olopeng o ne a solofetsa gore puso e tlaa tswelela ka go batla ditsela tse dingwe tse di tlaa ngokang barotloetsi.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up