BAMB e tsaya taolo ya di LAC

Tona Patrick Ralotsia
Tona Patrick Ralotsia

Monnasetilo wa Khuduthamaga ya BAMB, Lekalana le le itebagantseng le go rotloetsa mmaraka wa dithoto tsa temothuo mo Botswana, David Tibe, a re lekalana leo le itshupile fa le na bokgoni jwa go tsamaisa kgwebo ka botswerere. A re se se supagetse kwa makalaneng a BAMB a le lesome le borobabongwe (19) go ralala lefatshe leno.

Tibe o buile se kwa moletlong wa go ithola ditsamaiso tsa LAC (Livestock Advisory Centres) ke puso.  A re mo dingwageng tse di fetileng, go itshupile fa bajibareki ba kgatlhegela ditlamelo le dithoto tsa BAMB. Seemo se a reng se dirile gore ba felele ba fetola tebego ya lekalana la bone le go tlhabolola diofisi tsa makalana a lone.

Tibe o tsweletse a tlhalosa fa mo dingwageng tse di masome mane le bobedi (42) BAMB e ntse ele teng, go supagetse fa ele ruri tebego le seemo sa temothuo mo Botswana se fetogile. A re go tlhabololwa ga lekalana la Gaborone West go nna lengwe la marekisetso a BAMB ke sesupo sa kgolo e e tla dirang pharologanyo mo mohameng wa temothuo mo Botswana.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up