Balatedi ba tshwenyegile ka BR Highlanders

BR Highlanders
BR Highlanders

MAHALAPYE: Beke e e fetileng morago ga go utlwa balatedi bangwe ba supa fa ba sa kgotsofalele ka fa setlhopha sa BR Highlanders se dirang ka teng mo liking ya Be Mobile Premier; Naledi e ne ya tlhotlhoma le motse wa Mahalapye go utlwa maikutlo a balatedi ba bangwe.

Setlhopha sa BR Highlanders ka nako e se duba thankga kwa go tse di kwa tlase mo moalong wa liki ya Be Mobile go leka go falola selepe sa magagane. Pele ga malatsi a keresemose le ngwaga o mosha ba ne ba kgaogana le mokatisi wa bone, Tebogo Mokute, mme mothusi wa gagwe Lebitso Ratlou, a nama a kotame setilo seo ka nakwana.

Kgang e e simolotswe kwa lefelong lengwe la itloso bodutu le bidiwa Seduda Lodge fa balatedi bangwe ba tshwere kgang ya moruthutha ka gore gongwe ke nako ya gore ditlhopha tsa Mahalapye tsa kgwele ya dinao di ikopanye go dira setlhopha sele sengwe. Bangwe ba ne ba ntsha mabaka a gore ebile ke gone go ka bopiwang setlhopha ka batshameki ba tlhwatlhwa le gone go bopaganya ditsompelo.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up