Badiragatsi ga ba ronwe ke kgololesego

Otlogetswe
Otlogetswe

Motlhatlheleladithuto go tswa kwa mmadikolo (UB), Dr. Dudu Jankie, a re badiragatsi ba tshwanetse ba itlwaetse go tlhama poko, dipina kana botaki jwa bone e se go natetsha fela mme ba bue le ka dikgwetlho tsa matshelo a batho.

Dr. Jankie o ne a bua se kwa thuto-dipuisanyong ya poko ee neng e tshwerwe ke ba Motlhaolosa Poetry Ensemble kwa Limkokwing ka Matlhatso. Jankie a re mangwe a mabaka aa dirang gore batho ba seka ba kgatlhegela poko le bodiragatsi thata, ke gore ditiro tsa badiragatsi ga di bue ka matshelo a bone. O tswelela ka gore badiragatsi ba tshwanetse ba ruta setshaba le go se buelelela mo dikgwetlhong tsa matshelo a bone.

Badiragatsi ba tshwanetse ba nna lentswe la ba ba senang lone, Jankie o ne a tlhalosa jalo. O tladitse ka gore batho ba ka nna le kgatlhego mo go tsa botaki le bodiragatsi fa ba utlwa badiragatsi ba bua ka dikgang tsa matshelo a bone.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up