Ba sologelwa mosola ke metshameko ya selegae � Tshireletso

Tshireletso
Tshireletso

Go ya ka melawana ya liki ya metshameko ya dikgaolo, ditlhopha di le tharo fela tse di fentseng ke tsone tse di bonang madi a dikatso. Se ke go ya ka dikgotlana, metse le lefatshe ka bophara. Fela, ditlhopha tse di nnileng le seabe mme di sa kgona go fenya le tsone di bona meamuso ya kgaisanyo.

Se e ne ele tlhaloso ka Mothusatona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Botlogile Tshireletso, mo boemong jwa ga Tona Thapelo Olopeng, kwa phuthegong ya Ntlo ya Dikgosi e e sa tswang go wela.

Kgosi Isaac Titus yo o itlhophetsweng wa motse wa Struizendam, o ne a boditse Tona Olopeng gore a gona le thulaganyo ya go fa ditlhopha tse di latlhegetsweng mo metshamekong le dikgaisanyo tsa malatsi a ga tautona madi a phimolo keledi. Titus o ne a tlatsa ka gore ke eng bogolo batsaakarolo ba sa thusiwe go duela ditshenyegelo tse ba kopaneng natso fa ba rulaganyetsa dikgaisanyo. Fela, Mothusatona Tshireletso o ne a tlhalosa fa ditlhopha tsotlhe le ba ba tsayang karolo ba akola dikgaisanyo ka ba bona dithuso tsa dijo, boroko le dipalamo go fitlha kwa dikgaisanyong. Tshireletso o ne a gatelela gape gore dipoelo mo dikgaisanyong tse gase madi fela.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up