Ba nyoretswe kgaisano ya Kabelano
Wednesday, July 15, 2015
Ka nako ya fa go dirwa kgogo ya go lebaganya ditlhopha kwa mmolong mogolo wa Gaborone ka Labotlhano, go ne ga lebega sentle gore barati le balatedi ba ditlhopha tsa Mochudi Centre Chiefs le Township Rollers ba ne ba eletsa okare di ka seka tsa kopana mo motshamekong wa ntlha. Ka ba dumela gore bone ba kgona go ntsha ditlhopha tsa Extension Gunners le Sankoyo Bush Bucks fa di ka lebagana le tsone pele.
Kgogo e, e ne ya araba dikeletso tse tsa bone, ka e ne ya re pele go phatlalalwa, ga bolelwa fa setlhopha se eleng ditshimega tsa liki ya monongwaga ya be MOBILE Mochudi Centre Chiefs, se tla lebagana le se se magorogo masha mo liking e, sa Sankoyo Bush Bucks go tswa kwa Maun. Fa mekaloba ya ngwaga e e fetileng ya beMOBILE Popa-popa, e tla thulana le Gunaguna go tswa bandleng.
Whilst celebrating milestones in inclusivity, with notably P5 billion awarded to vulnerable groups, the report sounds a 'siren' on a dangerous and growing trend: the ballooning use of micro-procurement. That this method, designed for small-scale, efficient purchases, now accounts for a staggering 25% (P8 billion) of total procurement value is not a sign of agility, but a 'red flag'. The PPRA’s warning is unequivocal and must be...