Ba Mahalapye ba rotloeditswe ka Tebelopele 2036

MAHALAPYE: Mopalamente wa Mahalapye Bophirima, Joseph Molefhe, a re ka jaana ngwaga ono ele o Tebelopele ya setshaba ya 2016 e welang ka one, baagi ba kgaolo ya gagwe ba tshwanetse go nna le seabe mo go ntsheng megopolo ya go segela tsela Tebelopele ya 2036.

Molefhe o ntshitse thotloetso e mo phuthegong ya kgotla e a neng a e buisa kwa Mahalapye bosheng. A re Batswana ba tshwanetse ba bopaganela go ya pele le go bona gore ba ka dirang go tokafatsa le go tlhabolola lefatshe la Botswana.

Molefhe o tsweletse a gakolola baagi ba kgaolo ya gagwe ka molelo wa kgolagano o o tsamaisiwang metse le metsana go ralala lefatshe leno. A re o supa sa mowa wa kgolagano le popagano ya Batswana.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up