Ba kgala lenaneo la Nyeletso Lehuma
Wednesday, December 09, 2015
Ba re thulaganyo ya go tlatsa dipampiri tsa boikopedi e a ba ketefalela ka jaana di kwadile ka sekgoa. Ba boletse gape fa makalana a tshwana le a LEA a ba lopa madi go tlatsa dimpampiri tsa dikopo gammogo le go dira leina la kgwebo. Ba re go dira jaana ga go ba solofele molemo ka ba feletsa ba sa boelwe ke sepe, ntle le go itlhobogela kgakala ka lenaneo la Nyeletso Lehuma.
Banni ba buile jaana kwa phuthegong e e neng e buisiwa ke ba lephata la Merero ya Bong la Gender Affairs mme ba bolela fa puso e ba beile ka fa mosing mo mohameng wa temo thuo. Ba re puso e tlhalositse fela gore Batswana ba banang le meraka le dikgomo ke bone ba ba ka thusiwang madi a a rileng fa bone e le ba masimo ba thuswa ka dipodi, thulaganyo e bareng ga e a lolama. Ba kopile puso go ba sekasekela seemo seo ka ba nale keletso ya go ruwa dikgomo le bone.
As the Botswana National Front (BNF) discusses a policy to place suitably qualified members in strategic positions, the guiding consideration should remain whether an individual is the best person to serve the country. There is nothing wrong with qualified party members applying for public positions. Political affiliation should neither disqualify a capable candidate nor give them an advantage over others. Every Motswana deserves a fair...