Ba Ghanzi ba ngongorega ka BMC

Kgomo ya Nguni DINEPE: ZOLANI KRAAI
Kgomo ya Nguni DINEPE: ZOLANI KRAAI

Barui ba kgaolo ya Ghanzi ba boleletse Tautona Dr. Seretse Khama Ian Khama gore ntswa ba lebogetse loeto lwa gagwe lwa go bula ditshupo tsa Ghanzi semmuso, ba santse ba lela ka madi le tiego ya o ne e e bakwang ke koporase ya BMC.

Mafoko a a buile ke Monnasetilo wa Komiti ya leruo la dihutshane lwa Ditshupo tsa Ghanzi France Kanguiko, jaaka a ne a rolela tautona Khama seemo sa thuo mo kgaolong ya bone. Kanguiko a re ntswa ba ipelela katlego ya ditshupo tsa bone tsa dingwaga tse di masome a mane le bobedi, ebile ba kgonne go itepatepanya le dikgwetlho tse di farologaneng tse di amang thuo ya dikgomo, dihutshana le Diphologolo, ga ba dire dipoelo gotlhelele.

A re lefa puso e dira maiteko a go ba ema nokeng, sebe sa phiri ke gore koporase ya BMC  e santse e ba beile ka fa mosing mabapi le dituelo tse di kwa tlase ga seelo sa ditshenyegelo tsa bone. Kanguiko o boletse gape fa ledinyana le ba le bonang go tswa kwa BMC le diega fela thata mme seemo se se ba pitlaganya le dikoloto le dikgwetlho tse dingwe.

Editor's Comment
Stakeholders must step up veggie supply

The Ministry of Agriculture, local producers, retailers, and industry associations must work together to overcome the obstacles hindering vegetable production and distribution.This collaborative approach is essential to improve the availability, quality, and affordability of vegetables in the market.Firstly, the Ministry of Agriculture should provide support and guidance to local farmers to enhance their productivity and efficiency. This could...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up