Ba Chanoga ba boela maropeng

No Image

CHANOGA: Motswana a re maropeng go a boelwa, go sa boelweng ke maleng. Banni ba motse wa Chanoga le metsana e e mabapi ba bo ba itlamile go dira fela jalo ka maikaelelo a go tsosolosa dingwao tsa bone.

Ditiragalo tse di tlaa tshwarwa ka mafelo a beke a kgwedi eno e le masome mararo. Go tlhalositse jalo monnasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya motse wa Chanoga, Kewame Mooketsi. A re go tlaabo go sha legong go sala molora. Mooketsi a re moletlo o tlaa tshwarelwa kwa Chanoga dikhilomithara dile masome mararo kwa botlhabatsatsi jwa Maun. Mooketsi o tlhalositse fa maikaelelo a batho ba kgaolo e le go tsosolosa ngwao e bareng e lebalesegile. A re ba kopantse ditlhogo go tswa ka maano a a ka busetsang ngwao ya bone mo kgaolong mme ba bona go tshwanetse go batla letsatsi la go ipelela ngwao.

Mooketsi a re lerole le tlaa bo le beta kolobe kwa dikagong tsa bogologolo tsa kokelwana le sekolo kwa nokeng. A re go dira jalo gape ke go gakolola basha ka ditso tsa Chanoga ka bontsi bo sa itse fa dikago tsa mofuta oo di kile tsa dirisiwa go aga bokamoso jwa bana ba Chanoga.

Editor's Comment
Women unite for progress

It underscores the indispensable role women play in our society, particularly in building strong households and nurturing families. The recognition of women as the bedrock of our communities is not just a sentiment; it's a call to action for all women to stand together and support each other in their endeavours.The society's aim to instil essential principles and knowledge for national development is crucial. By providing a platform for...

Have a Story? Send Us a tip
arrow up